Phukwi (July) 3, 2005
Monnasetulo,
Motlatsa Poresidente,
Maloko a Khuduthamaga ya Bosetšhaba,
Baemedi ba bakaulengwe:
Re fa gaufi le go tswalela Khansele ya bobedi ya Kakaretso ya Bosetšhaba (National General Council - NGC). Mo boemong jwa Khuduthamaga ya Bosetšhaba (National Executive Committee - NEC), baemedi ba mokgatlho wa rona otlhe, ke leboga Tlhogo ya Yunibesithi ya Pretoria, Moporofesara Callie Pistorius, staff, baithuti le badiri ba thoto e e e botlhokwa ya bosetšhaba ya thuto go sengwe le sengwe se ba se dirileng, se se nnileng le seabe se segolo mo katlegong ya Khansele ya Kakaretso ya Bosetšhaba ya rona.
Rotlhe re ne ra reetsa ka kelotlhoko go se Moporofesara Pistorius a se buileng fa a ne a re amogela mo Yunibesithing ka Labone. O ne a fetisa molaetsa o o siameng o o neng wa bua ka ga seabe sa setheo se se botlhokwa sa go ithuta , sa thuto le sa tlhotlhomiso jaaka moemedi wa phetogo, o o ineetseng mo tirong ya go aga setšhaba se se fenyang se dimilione tsa batho ba ga bo rona ba ineetseng mo go sona.
Se, se ne sa re neela tshimologo e e siameng malebana le tiro e re neng ra tshwanela go e dira mo Kkanseleng e ya Kakaretso, go sekaseka dikgato tse di latelang tse ANC e tshwanetseng go di tsaya, ka boyona go nna le seabe mo go ageng setšhaba se se fenyang se dimilione tsa batho ba ga bo rona ba ineetseng mo go sona.
Ke a tshepa gore Khansele ya Kakaretso ya Bosetšhaba e tla dumela gore fa re phasalatsa ditokomane tsa Khansele, re tshwanetse go akaretsa Puo e e rotloetsang e e tlhagisitsweng ke Moporofesara Callie Pistorius.
Ka re tswalela tiro ya rona, gape ke bua mo boemong jwa Khuduthamaga ya rona ya Bosetšhaba le mo boemong jwa leina la me, ke leboga baemedi thata mabapi le maikaelelo a ba neng ba tsibogela tiro ya NGC ka ona.
Ditokomane tse re di amogetseng, go akaretsa Tlhomamiso (Declaration) ya rona, di neela kaelo e e siameng ya ditiro tse di kwa pele ga rona. Kgwetlho e re lebaganeng le yona e tla nna go latela ditshwetso tsotlhe tse re tsereng, re etse tlhoko ka botlalo maikarabelo a rona go naga ya rona le batho ba ga bo rona.
Magareng ga tse dingwe, tokomane e e ka ga Dintlha tsa Mokgatlho e re e amogetseng e akaretsa polelo e e latelang e e botlhokwa:
"Tlhomamiso e e tlhagelelang mo karolong 4.15 ya Molaotheo (wa ANC) e tshwanetse go bopa karolo ya foromo ya botokololo, e bile maloko a mašwa a tshwanetse go tsaya maikano a fa ba ineela".
Ke a tshepa gore re tla tsiboga ka bonako jo bo tlhokagalang go tsenyatirisong tshwetso e e e botlhokwa ya Khansele ya Kakaretso ya Bosetšhaba ya rona.
Baemedi ba itse sentle ka ga se maikano a, Karolo 4.15 ya Molaotheo wa rona, e se kayang, ka, kwa ntle le se sengwe gape, ke ne ka e nopola ka botlalo mo Puong ya me ya Pulo. A ke buise gape.
"Ke ikana gore ke tla obamela maikaelelo le maitlhomo a Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Aforika (ANC) jaaka a tlhagelela mo Molaotheong, mo Tšhateng ya Kgololosego (Freedom Charter) le mo dipholising tse dingwe tse di amogetsweng,
"gore ke ineela mo mokgatlhong ka boithaopo kwa ntle ga maikaelelo a go bona dithoto kgotsa poelo ya sebele,
"gore ke dumela go tlotla Molaotheo le ditheo le go dira jaaka leloko le le ikanyegang la mokgatlho,
"gore ke tla senola maatla a me le bokgoni jwa me mo mokgatlhong le go dira ditiro tse ke di neelwang,
"gore ke tla dira gore ANC e nne sedirisiwa se se maatla le go feta, sa kgololosego mo diatleng tsa batho,
"le gore ke tla sireletsa tshwaragano le seriti sa mokgatlho le melawana ya ona, le go lwantsha mokgwa mongwe le mongwe wa kgoreletso le wa ntwa ya bammogo".
Mo malatsing a a mmalwa a a fetileng re ne sa sekaseka dintlha tse di mmalwa tse di botlhokwa tse di leng botlhokwa malebana le bokamoso jwa naga ya rona. Ke dumela gore fa re begela setšhaba se re sweditseng ka ga sona, batho ba ga bo rona ba tla nna le lebaka lengwe le lengwe go ka gomotsega gore mokgatlho o o eteletseng pele wa sepolotiki mo nageng ya rona o itsetsepetse mo boineelong jwa ona go tsweletsa pele dikgatlhego tsa bona le go tsibogela dikeletso tsa bona.
Kwa ntle le go tsenela dikopano tsa rona tsa batho botlhe ba ba nang le tshwanelo ya go di tsenela, ke reetsa dipegelo tse di tshwaraganeng ka ga tiro e e dirilweng mo dikhomišeneng tse di farologaneng, nna, fela jaaka maloko a mangwe a Khuduthamaga ya Bosetšhaba, ke ne nna le tšhono ya go etela Dikhomišene tse dingwe.
Ka nnete go ne go rotloetsa go bona boleng jwa seabe sa baemedi malebana le dipuisano gore lona, bakaulengwe, lo ne ka nnete lwa sekaseka ditokomane tsa dipuisano. Go tlaleletsa, go ne ga bonagala sentle mo go nna gore ka nako, lo ne lwa tsaya matsapa go tlhaloganya matswakabele a dintlha tsa lenanetema la NGC, le maemo a mo nageng ya rona a re neng ra a sekaseka.
Ke ikutlwa ke le motlotlo go fetisa ditebogo tsa boeteledipele le tsa mokgatlho otlhe wa rona mabapi le matsapa a lona, maloko a mokgatlho wa rona, lo a tsereng go itshola jaaka badiri ba Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Aforika (ANC), baemedi ba phetogo e e tswelelang e batho ba ga bo rona le mokgatlho wa bosetšhaba wa temokerasi o e tlhokang.
Ke ntlha ya kgomotso e e botlhokwa le boikgodiso jo bo botlhokwa go itse gore re na le botokololo jo ka boikanyo bo ka etsang masole a Umkhondo we Sizwe mme ba re- Re direla batho ba Aforika Borwa!
Ke a tshepa gore fa re tsenyatirisong ditshwetso ka ga ditiragalo tsa badiri tse di tlhageletseng mo Dikhomišeneng tse di sekasekileng ntlha e, e e botlhokwa, re tla atlega go aga ANC go nna sedirisiwa sa phetogo e e tswelelang e dikgwetlho tse di kwa pele ga rona di e lopang.
Maikano a Khansele ya Kakaresto ya Bosetšhaba e kaileng a tshwanetse go bopa karolo ya foromo ya rona ya botokololo, e bile a maloko a mašwa a tshwanetseng go a tsaya fa ba ineela, a kaya fa maloko a rona a ineela "go dira gore ANC e nne sedirisiwa se se maatla le go feta sa kgololosego mo diatleng tsa batho".
Go fitlhelela maikaelelo a go raya gore rona, maloko a ANC, re tshwanetse go ipona le go itshola jaaka karolo ya sedirisiwa se se maatla sa kgololosego se se direlang matšhwititšhwiti a batho rona gape se le karolo ya matšhwititšhwiti a batho ba ga bo rona.
Se, se raya gore re tshwanetse ka bokao jwa mafoko a ka botlalo, go diragatsa ntlha e e ikaegileng ka melawana ya maitsholo ya gore re ineetse mo mokgatlhong ka boithaopo e bile kwa ntle ga maikaelelo a go bona dithoto kgotsa poelo ya sebele, jaaka Maikano a rona a kaya.
Phenyo ya rona ya hisitori ya temokerasi e beile mokgatlho wa rona mo maemong a maatla a sepolotiki. Go simolola ka 1994, ngwaga wa bo 82 wa go nna teng ga mokgatlho wa rona, batho ba ga bo rona ba ne ba re neela taolelo go bona maemo a lekoko le le busang.
Go raya gore rona ba ba dirang mo ditheong tsa puso re ka nna ra lopisa le go obamisa batho. Ka jalo go raya gore re ka nna ra kakatlela balatedi go re tshegetsa, kwa ntle le go lebelela melao e e leng botlhokwa mo boleng jwa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Aforika (ANC).
Tsotlhe tse, di dira taolo ya maatla a puso thoto e e botlhokwa. Di dira botokololo jwa ANC tsela e e bonolo ya phitlhelelo ya maatla a puso. Di dira botokololo jwa ANC kakanyo e e gogelang ya kgwebo. Di dira tshegetso ya ditšhelete malebana le ANC peeletso go ba bangwe ba ba batlang go iponela dipoelo ka go dira kgwebo le puso.
Ga go sepe go tswa mo go se, se se bontshang tshedimosetso e ntšhwa malebana le baemedi ba mo Khanseleng ya Kakaretso ya Bosetšhaba. Mo lebakeng le, NGC e ne ya dumela gore mo ditokomaneng tsa rona re tshwanetse go tlhagisa kemokgatlhanong e e siameng ya rona malebana le bobodu le go tlhagisa gape boineelo mabapi le go bo lwantsha.
Baemedi ba ne ba bua ka ga dintlha tse re neng ra di amogela kwa Khonferenseng ya rona ya bosetšhaba ya bo 50 ya kwa Mafikeng ya 1997, e mo go yona, magareng ga tse dingwe, re neng ra re: "Bobodu bo ama tlhabololo, ka jalo, bo dira gore lehuma le nne teng thata...Bobodu bo nyatsa maitlhomo a Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Temokerasi".
Mo tsibogelong ya tsotlhe tse, NGC e sweditse jaanong, ka maikaelelo, gore rotlhe, maloko a ANC, re tshwanetse go dira maikano a boineelo a a tlhagelelang ka mo Maikanong a rona gore re tla "obamela maikaelelo le maitlhomo a Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Aforika (ANC) jaaka a tlhagelela mo Molaotheong, mo Tšhateng ya Kgololosego, le mo dipholising tse dingwe tse di amogetsweng...gore re ineela mo mokgatlhong ka boithaopo kwa ntle ga maikaelelo a go bona dithoto kgotsa poelo ya sebele, le gore re dumela go tlotla Molaotheo le ditheo le ...go dira...jaaka maloko a a ikanyegang a mokgatlho".
Mo dipuisanong tsa rona re ne ra amogela ka phuthologo le ka boikanyo nnete ya gore go sa kgathalesege tswelelopele e kgolo e re e fitlheletseng mo dingwageng di le 11 tse di fetileng, le fa go ntse jalo, re santse re tshwanetse go dira tiro e kgolo pele re atlega go fedisa setlogelelo sa dingwagakgolo tsa bokoloniale le tlhaolele.
Mo Dikhomišeneng baemedi ba dirile ditshisinyo tse di tseneletseng tse di ntsi ka ga dikgato tse di rileng tse re tshwanetseng go di amogela go potlakisa thulaganyo ya go tlhola botshelo jo bo botoka go botlhe le go tlhola puso e e ikaegileng ka batho. Tsona di sosobantswe mo ditokomaneng tse re di amogetseng.
Ditokomane tse di bontsha maikaelelo a mokgatlho wa rona a go diragatsa boineelo jo re bo tshepisitseng batho ba ga bo rona. Di ka ga dikgwetlho di le dintsi tse matšhwititšhwiti a a lebaganeng le tsona-dikgwetlho tsa lehuma, botlhokatiro, go tlhoka tlhabololo, go tlhoka lefatshe, go tlhoka bonno, bolwetse, botlhokakitso, bosenyi jalojalo.
Ka maikaelelo a go samagana le dikgatlhego tsa batho botlhe ba rona, bantsho le basweu, re sweditse ka gore re tshwanetse go samagana le ka moo maemo a rona a setso mo tokomaneng ya Thulaganyo le Maano a tsamaelanang le ntlha e e botlhokwa e re e neetsweng ka Tšhata ya Kgololosego (Freedom Charter), gore Aforika Borwa ke ya botlhe ba ba nnang mo go yona, bantsho le basweu.
Khansele e ya Kakaretso ya Bosetšhaba le ditshwetso tsa yona di bona botlhokwa jwa tsona mo nneteng ya gore di tla ama ka botlalo bokamoso jwa naga ya rona le jwa batho ba ga bo rona. Le fa ditshwetso tse di ka lebega di siame mo pampiring, matšhwititšhwiti a batho ba ga bo rona a na le tshwanelo ya go sekega tumelo ya ona ya gore a re tla di tsenyatirisong go fitlha di tsenngwatirisong. Le fa gontse jalo, tshiamelo e re itumelelang ke gore batho ba ga bo rona ba tswelela go nna le boikanyo jo bogolo mo mokgatlhong wa rona.
Jaaka re boela kwa makaleng a rona, kwa dikgaolong tsa rona le kwa diporofenseng tsa rona, re tshwanetse, ka ditiro tsa rona, go tswelela go bontsha batho ba ga bo rona gore boikanyo jo ke jo bo siameng. Magareng ga tse dingwe, re tshwanetse go netefatsa gore re tshegetsa tshwaragano le batho, re kgona ka dinako tsotlhe go tsibogela ditlhokwa tsa bona le go ba kokoanya go nna matšhwititšhwiti a kagosešwa le tlhabololo e re buileng ka ga yona mo Manifesetong wa rona o o fetileng wa Ditlhopho.
Ka motsi wa ona mokgatlho wa rona o ne wa itemogela mathata. O ne ka gale wa tswa mo go ona o le maatla ka ntlha ya boikanyego mo molaong, mo bokgoning jwa ona jwa go dira ka tshwaragano le mo boineelong jwa ona mo maitlhomong a le mangwe gape mo maitlhomong a le mangwe fela, ke gore, go direla batho ba Aforika Borwa.
Ka nepagalo, Khansele ya Kakaretso ya Bosetšhaba e tlhagisitse kemonokeng ya yona mo go Motlatsa Poresidente wa rona mo dinakong tse tse di thata e bile di le botlhoko. Gape re ne sa gatelela ntlha ya gore ke ka taelo ya rakagiso wa tlholego gore o tshwanetse go nna le tšhono ya go itshireletsa kgatlhanong le ditatofatso tse a latofadiwang ka ga tsona.
Rotlhe re tshwaragane mo dintlheng tse tse di ikaegileng ka melwana ya maitsholo le go mo emanokeng mo go tshepeng gore dithulaganyo tsa bosiamisi di ka se diegisiwe mo go sa tlhokagaleng.
Ke ikuela go maloko otlhe a rona gore fa re ntse re letetse dipholo tsa dithulaganyo tse, re tshwanetse go itshola ka mokgwa o o tlotlegang o o tshwanelang maloko a Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Aforika (ANC) gape ka mokgwa o o tsamaelanang le ditso tsa mokgatlho tsa gore batho ba ga bo rona ga ba tlotle fela gape ba rata ka nnete le go kgatlhwa ka nnete.
Re tshwanetse go nna le kelotlhoko thata gore re se ke ra itshola ka mokgwa o o tla tsenyang seriti sa Motlatsa Poresidente le ANC mo kotsing. Ka nnete ke ka motsi wa dipaka tse di thata gape di le botlhoko jaaka e re leng mo go yona gore re lebagane le kgwetlho e kgolo go itshola jaaka maloko a nnete a ANC a a tla dirang sengwe le sengwe go tshegetsa seriti sa o yona, tshwaragano ya yona le kgolagano ya yona.
Khansele ya Kakaretso ya Bosetšhaba e re neetse ditiro di le dintsi. E ne ya tlhagisa ntlha ya tswelelopele malebana le potlakiso ya thulaganyo ya kagosešwa le tlhabololo. E ne ya re kaela go dira ka thata go maatlafatsa tumalano ya batho go tsweletsa pele ponelopele ya Tšhata ya Kgololosego. E ne ya re neela boineelo go maatlafatsa seabe sa rona malebana le kgaratlho e e tswelelang ya ntšhwafatso ya Aforika.
NGC e ne ya kaela gore re tshwanetse go sireletsa tshwaragano ya mokgatlho wa rona le tshwaragano ya Kgolagano jaaka mmamoratwa wa rona. E ne ya re laela gore re tshwanetse go ya kwa pele mmogo jaaka setlhopha se se se tshwaraganeng ka kutlwebotlhoko go direla batho botlhe ba Aforika Borwa, le go dira ka tshwaragano le ditlhopha tsotlhe tse dingwe tse di tswelelang pele lefatshe ka bophara.
Bokhutlo jwa tiro ya rona mo Khanseleng ya bobedi ya Kakaretso ya Bosetšhaba bo tshwanetse go bontsha motsi wa fa re simolola tiro ya go tsenyatirisong se re neng ra swetsa ka ga sona. Ke na le tshepo mo ntlheng e, ga re kitla re swabisa ditsholofelo tsa matšhwititšhwiti a batho ba ga bo rona.
Mo boemong jwa Khuduthamaga ya Bosetšhaba (National Executive Committee - NEC) ke eleletsa baemedi botlhe loeto lo lo babalesegileng go boela gae e bile ke kaya fa Khansele ya bobedi ya Kakaretso ya Bosetšhaba e ile kwa bokhutlong.
Maatla!