| |
- ANC ke mokgatlho wa kgololesego wa bosetšhaba. O tlhamilwe ka 1912
go kopanya Ma Afrika le go eteIela pele go kgaratlhela diphetogo tsa
sepolotiki, setho le ekonomi.
- Ka dingwagasome di le robong (90) ANC e ne ya etelela pele kgaratlhô
kgatlhanong le bomorafe le kgatelelo, ya rulaganya kemokgatlhanong ya
mogoso, ya kopa ya kemonokeng ya boditšhaba le go lwa ka dibetsa kgatlhananong
le kgethololô.
- ANC e fitlheletse katlego ya demokerasi ka ditlhopo tsa 1994, moo
e ne ya newa maatla a go rerisanela Molaotheo o mošwa wa demokerasi
wa Aforika Borwa. Molaotheo o mošwa o ne wa amogelwa ka 1996.
- ANC e ne ya tlhopiwa gape ka 1999 go tla etelelapele mebuso ya bosetšhaba
le diporofense ka maatlataelo a a oketsegileng.
- Dipholisi (maikemisetso) tsa ANC di tlhomamisiwa ke ditokololo, mme
boeteledipele bo maikarabelo go ditokololô.
- Botokololô jwa ANC bo buletswe batho botlhe ba Aforika Borwa ba bogolo
jwa go feta dingwaga di le 18, go sa ye ka bomorafe, mmala kgotsa lotsô,
ba ba amogelang mekgwatsamaiso, dipholisi (maikemisetso) le mananeô
a mokgatlho.
MAIKAELELO LE MAIKAELELO-PHITLHELELO TSA ANC KE DIFE?
- Maikaelelo-phitlhelelô a ANC, ke go bopa Setšhaba sa demokerasi se
se kopaneng, se sena bomorafe e bile go sena kgethololo go ya ka bong.
- Se se raya thata jang kgololesegô ya Ma-Afrika, le batho bantsho ka
kakaretso go tswa mo bokgobeng jwa sepolotiki le ekonomi. Se se raya
tlhatloso ya maemo a botshelo jwa Ma-Afrika Borwa otlhe bogolo segolo
batlhoki.
- Kgaratlho ya go fitlhelela maikaelelo a, e bidiwa Tsogelelokgatlhanong
ya Bosetšhaba ya Demokerasi (National Democratic Revolution).
PHOLISI YA ANC E ITSHETLHEGILE THATA KA ENG?
Tšhata ya Kgololesego
(Freedom Charter), e e neng ya amogelwa ke Khonkerese ya Batho ka
1955, e sale sone setlankana sa motheo sa pholisi ya ANC.
Tshata ya Kgololesegô e tlhomamisa gore:
- Batho ba tla busa
- Ditlhopha tsotlhe tsa merafe di tla nna le ditshwanelo ka go lekana
- Batho ba tla arogana lehumo la lefatshe
- Lefatshe le tla abelwa bao ba ba dirang mo go lone
- Botlhe ba tla lekana fa pele ga molao
- Botlhe ba tla nna le ditshwanelo tsa botho ka go lekana
- Go tla nna le ditiro le tshireletsego
- Dikgoro tsa go ithuta le setso di tla bulwa
- Go tla nna le matlo, pabalesego le boiketlo
- Go tla nna kagiso le botsalano
Ka 1994, ANC e ne ya amogela Lenaneo la Tlhabololo le Kagosešwa (kgotsa
Reconstruction and Development Programme - RDP) jaaka motheo go kaela
ANC tsela ya diphetogo mo go Afrika Borwa. Mananeo a botlhokwa a RDP ke:
- Go fitlhelela ditlhokego tsa botlhokwa
- Go tlhabolola meamuso le bokgoni ba batho (human resources)
- Go aga ekonomi
- Go dira puso le setšhaba go nna tsa sedemokeratiki
- Folaga ya ANC e dirwa ke mabanta a a kgabaganyang a a lekanang a a
bontsho, botala le go bogauta. Bontsho bo kaya batho ba Aforika Borwa
ba, ka dingwagangwaga ba lwetseng kgololesego. Botala bo kaya lefatshe
le le tlametseng bagarona ka dingwagangwaga, le bileng ba neng ba tloswa
mo go lona ke mebuso ya bokoloniale (bokonateledi) le kgethololô go
ya ka mmala. Bogauta bo kaya diminirale le lehumô le lengwe la tlhago
la Aforika Borwa, le e leng la baagi botlhe, mme le lekileng la dirisiwa
go tsweletsa morafe wa palo e potlana.
- Loko (Logo) e bontsha segai/lerumo le thebe go kaya dintwa tsa pele
tsa kemokgatlhanong le puso ya bokoloniale, kgaratlho ka dibetsa ya
lephaga la pele la ANC, e leng Umkhonto we Sizwe (Lerumo la Setšhaba),
le kgaratlho e e tsweletsweng ya ANC kgatlhanong le ditshiamelo go ya
ka mmala le kgatelelo. Leotwana le gopotsa ka nako ya letsholo la Khongerese
ya Batho, e e amogetseng Tšhata ya Kgololesego (Freedom Charter), e
bile e tshwaya kopanelo ya batho go kgaratlhela kgololesego go tswa
merafeng yotlhe ya Aforika Borwa. Ke sekai sa tlwaelo e e tiileng e
e sa yeng ka bomorafe ya ANC. Seatla se se tlamparetseng segai/lerumo
se kaya maatla a batho ba le ngatananngwe mo go kgaratlheleng kgololesego
le tekatekano.
- kgweeletso ya ANC kwa diraling ya Amandla ngawethu kgotsa Matla ke
a rona, e raya gore'power to the people' (maatla go batho), e le go
tlhagisa topo ya Tšhata ya Kgololesego ya gore batho ba tla busa. Ke
tlhagiso ya ikemisetso ya ANC go aga demokerasi le go etegetsa demokerasi
e e rategang le batho go nna matlhagatlhaga mo go kgaratlheleng go tokafatsa
matshelo a bone.
MAIKARABELO A TOKOLOLO YA ANC KE ENG?
Boleng le maikemisetso a ditokololô tsa ANC di akaretsa:
- boikobo le boineelo gotlhelele mo go kgaratlheleng setšhaba sa demokerasi
se se senang kgethololo e bile go sena kgetholole go ya ka bong
- go tshwenyegela dikeletso le dikgatlhego tsa batho, jaaka di tlhagisitswe
ka maikemisetso a Batho-Pele (people-first)
- boitlamo go diragatsa pholisi ya mokgatlho le ditshwetso tsa setlhopha.
Ditokololô tsa ANC di solofetswe go:
- nna tokololô ya lekala la ANC, go duela dituelo tsa botokololô le
go thusa go aga ANC,
- tshwaela ka matlhagatlhaga mo dipuisanong, mo go tlhamiweng le go
diragadiwa ga dipholisi le mananeo tsa ANC,
- amogela le go sireletsa ditshwetso tsa dikomiti tse di matshwanedi
tsa mokgatlho,
- go aga kutlwano ya ANC le mokgatlho wa demokerasi le go lwantsha botlalatsietso(corruption),
go ja ka losika le bojelathokô,
- lwantsha kgethololo, mowa wa bomorafe, kgethololo go ya ka bong, go
tlhoka kgotlelelano ya bodumedi le sepolotiki le fa e le mofuta mongwe
wa kgethololo,
- dula ka nako tsotlhe di na le kitso ka ditiragalo tsa sepolotiki le
tse dingwe, go ikaga go nna le bokgoni e le karolo ya tsela ya thuto
ya botshelo jotlhe,
- gologana le batho le go tsaya karolo ya botlhokwa mo mererong ya baagi,
- go itshola ka mokgwa oo rileng o o eletsegang letsatsi ka letsatsi,
le go sa dirise maemo a boikarabelo go ikhumisa kgotsa go ikoketsa serôdumô.
DIKOMITI (STRUCTURES) TSA ANC KE DI FE?
- Lekala ke yuniti ya botlhokwa ya ANC, ko ditokololo di nnang
le seabe mo ditirong/ mekgapheng le ditherisano tsa sepolotiki. Lekala
ke "modisa" wa baagi, le emetse dikgatlhegelo tsa baagi le
go ba rotloetsa go dira mmogo go tlhabolola tikologo. Lekala lengwe
le lengwe le itlhophela Komiti Khuduthamaga ya Lekala (Branch Executive
Committee) kwa Pitsong Kakaretso ya ngwaga le ngwaga.
- Komiti Khuduthamaga ya Kgaolo (Regional Executive Committee - REC)
e tlhophiwa kwa Khonferenseng ya Kgaolo ke dikemedi tsa makala a kgaolo
dingwaga dingwe le dingwe di le pedi.
- Komiti Khuduthamaga ya Porofense (Provincial Executive Committee
- PEC) e tlhophiwa kwa Khonferenseng ya Porofense ke dikemedi tsa
makala mo Porofenseng dingwaga dingwe le dingwe di le tharo.
- Komiti Khuduthamaga ya Bosetšhaba
(National Executive Committee - NEC) ke karolo/sethwe se se kwa
godimo ya/sa ANC mo magareng a dikhonferense, e bile e/se rwele maikarabelo
go etelela mokgatlho pele. E tlhophiwa dingwaga di le tlhano dingwe
le digwe kwa Khonferenseng ya Bosetšhaba. Komiti Khuduthamaga Bosetšhaba
e tlhopha Komiti e e Dirang ya Bosetšhaba (National Working Committee
- NWC) magareng ga ditokololong go gokaganya tiro ya mokgatlho letsatsi
ka letsatsi.
- Khonferense ya Bosetšhaba (National Conference) e e tshwarwang
dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano, ke setheo se se kwa godimo se
se tsayang ditshwetso tsa ANC. Dikemedi tsa makala di dira diphesente
di le 90 tsa baemedi tse di vuotang kwa Khonferenseng ya Bosetshaba.
Khansele Kakaretso ya Bosetšhaba e tshwarwa magareng a dikhonferense
tsa Bosetšhaba go sekaseka mananeo a mokgatlho.
- Lliki ya Bommê ya ANC (ANC Women's League)
e dira jaaka setheo se se ikemetseng mo gare ga Komiti yotlhe ya ANC.
Maikaelelophitlhelelo a yone ke go sireletsa le go tsweletsa ditshwanelo
tsa Bommê kgatlhanong le mefuta yotlhe ya kgatelelo le go netefatsa
gore bommê ba na le seabe mo botshelong jwa mokgatlho. Lliki ya Bommê
e buletswe bommê botlhe ba e leng ditokololo tsa ANC.
- Lliki ya Bašwa ya ANC (ANC Youth
League) le yone e dira jaaka setheo se se ikemetseng, ka maikaelelophitlhelelo
a go bontsha bašwa tsela mo go mekamekaneng le go emelelaneng le mathata
a a aparetseng bašwa, le mo go netefatseng gore bašwa ba nna le seabe
go bonala mo tirong ya ANC. Botokololo jwa Lliki ya Bašwa bo buletswe
batho botlhe ba dingwaga tse di magareng a 14 le 35.
SEMOPHATO SA MAKOKO-MARARO (TRIPARTITE ALLIANCE) KE ENG?
ANC e semophatho le Lekoko la Sekomonisi
la Aforika Borwa (SACP jaaka e tlwaelegile) le Khonkerese
ya Mekgatlho ya Badiri wa Aforika Borwa (Cosatu). Selekane sa Semophato
sengwe le sengwe, ke setlamo se se ikemetseng se na le molaotheô, ditokololô
le mananeô a sona. Semophato se theetswe mo maitlamong a maikaelelophitlhelelo
a Tsogelelokgatlhanong ya demokeratiki ya Bosetšhaba (National Democratic
Revolution), le botlhokwa jwa go kopanya palo e kgolo ya batho ba Aforika
Borwa ba farologaneng go fitlhelela maikaelelo-phitlhelelo a.
ANC E FITLHELWE KAE?
Makala a ANC a tshwanelwa go fitlhelwa mo metsengmegolo, ditoropo kgotsa
metsemagae, mengwe le mengwe mo Aforika Borwa. ANC e na le ntlokgolo
ya bosetšhaba (headquarters), diofisi mo diporofenseng
di le robong le diofisi mo dikgaolong
di le mmalwa. |